Tiragatso ya Ntlha
Published online by Cambridge University Press: 24 November 2023
Summary
Temana I
Kwa ntlong ya ga Moruakgomo. Go tsena Molotlhanyile Moruakgomo, ba tla ba tswa motseng.
Moruakgomo: Setilo ke seo, Molotlhanyi, nna fatshe o ikhutse. Mosadi wa me ga a yo mo gae, o ile masimo maloba.
Molotlhanyi: Ke a itumela, Morena, ke tla itapolosa, ke lapile.
Moruakgomo: E rile re tsena ntlong wa bo o sa bua sengwe.
Molotlhanyi: Ke ne ke re Legwale jaanong o mo phupung,
Legwale o mo lebitleng, ga a na go boa,
Jaaka letsatsi ga a na go tlhaba gape;
O tla busa le ba ba mo mmung;
Gape batho ga ba na go tlhola ba bua
Ba re Legwale ke kgosi ya bone.
Moruakgomo: Wena wa re Legwale o sule,
Mme nna ka re Legwale o a tshela,
Legwale jaaka re bua o na le rona,
O na le rona gone mo motseng ono.
Molotlhanyi: Ka re Legwale o mo phupung,
Diboko di mo ja dinamana,
Di setse di mo mona marapo.
Moruakgomo: A ke go re, rra, o a lebala,
Ao lebala fa a tlogetse ngwana wa lekau,
Yo Bogosi jono e leng jwa gagwe?
Molotlhanyi: Ehe! O tla mo naya Bogosi jwa gago?
Moruakgomo: Ga se jwa me, jwa ga Motswasele.
Molotlhanyi: Bogosi, Moruakgomo, jwa yo o thata,
Bogosi jwa yo o nang le lekoko;
Gase kgomo, bo a ikgamelwa,
Bo gangwa ke beng go tshwanele,
Go ba re tlhoo go se ke go ba rone;
Kgosi e swela kwa dithoteng,
E swa e swele kwa gare ga lefatshe,
E tie e jewe ke manong dinama,
E jewe ke nonyane tsa legodimo.
A o batla go etsa ntša ya mokgee,
Wa etša ntsa ya mokasi wa sia,
Wa sia ka mogatla o le maparapareng?
Bogosi o bo beilwe ke Modimo wa gago,
O bo beilwe fela jaaka ene Motswasele,
Bo tshware, o bo tshwarele ruri.
- Type
- Chapter
- Information
- Motswasele II , pp. 1 - 18Publisher: Wits University PressPrint publication year: 2022