Tiragatso ya Bone
Published online by Cambridge University Press: 24 November 2023
Summary
Temana I
Go tsena Moruakgomo le Segokotlo, ba ya kwa ntlong ya ga Maleke.
Moruakgomo: Ke utlwile mongwe a re o rata puso ya ga Motswasele.
Segokotlo: Mmuso o o re busang!
A leru le lentsho le ba wele godimo!
Botlhe fela, go simolola ka Diratsagae,
Go ya kwa Mmusing yo o setlhogo, yo o bosula,
Yo o bopelo-ethata, yo go tweng Motswasele!
A maina a bone a nkge mo ditemeng tsa batho!
Ba itirile ditau, ba phuraka batho;
Ke diphiri, ba ja masapo a batho.
A nama tsa bone di ngathoge ba ntse ba tsamaya,
Matlho a bone a wele fa fatshe,
Diteme tsa bone di omelele mo maganong a bone.
Moruakgomo: Phutsakano ya gago, tsala, ga e na thuso mo go nna, Le mo go wena tota.
Segokotlo: Letsatsi lengwe re tla ba tswa setlhabetsi,
Re tla ba tlosa mo mannong a bone,
Re tla ba jesa mmu jaaka digagabi,
Re tla ba ntsha mesimeng jaaka diboko,
Mme re tla ba nyeletsa fela botlhe!
A ga o gopole jalo, Moruakgomo?
- Type
- Chapter
- Information
- Motswasele II , pp. 57 - 78Publisher: Wits University PressPrint publication year: 2022